Saturday 27 April 2013

Ka sebelebele, lerato ke eng?


Ya re matlho a me a ntse a tsiediwa ke boaka, ke ntshiwa pelo ke kgang tsa lefatshe,ka go bona baratani mo nageng ba itshwina , bangwe ba itaana ka menyenyo ya go ka hatlha letsatsi,bangwe  diatla di tlamparalane,bangwe dipounama di le bo-mmogo jwa go ka  sita le mafatlha,ka utlwa temana ena e ntlela pelong.Temana ya Bakorintha,kgaolo e ntimeletse, e balega jaana
''Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose,ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri.Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.Lorato ga lo ke lo fela.''
Ya re matlho a me a katloga mokwalo o,ka ipotsa gore a mme dipelo tsa baratani ba sesha di  tletse lerato la go nna jalo.A yame e nna le lone nna.Ke ga kae baratani ba fetswa pelo ke go ema metsotswana,ba emetse bakapelo ba bone mo dikomano di tlhagogang? Ke eng dipelo tsa bona di tlola high jump go feta batlodi ba di olympics, motlhang mongwe a kgatlhegelang mmaatla wa bonemo ebileng go setse go kgona go nna le ''polao ya lerato''.Fa kgotlhang e tlhagoga,ke eng go unyulolwa dikgang tsa ngwaga tse di hitileng tse eleng gore ha e ne e le baswi ba epolotswe le marapo ne re tla fitlhela  e le monontshane. A marato a malatsi a,a kgona go emela dilo tsotlhe ka metlha,a a na le bokao jo bo nonofileng,a nna a na le mokwatla,kana ke marato a molomo hela.Boitshoko ke eng.A re a bo itse nna.Lerato ka sebelebele ke eng 

No comments:

Post a Comment