Tuesday 2 April 2013

lerato le!


O nkgwile
jaaka molwetsi a kgwa  segotlholo sa kgotlholo e tona
Leriga le betsa koma ya tonkana o mpeile fa kae
Ya re nne ke itheile ke re sebetso re babedi
Mabogo dinku a ka thebana
Ka iphitlhela ke ne ke beeleditse
Tsholofelo mo kgamelong e  sena marago
Pelo  go sutla sutli
Bokgarebe nne ke bo dira jwa ntira
Jwa letsoku le lemipi la kgomo ya Brahman
Ke reile rre kare e khonou a e digwe
Mogwe e re a leba a se kgatlhwe ke kgarebe ya diponds
Le di diprosonona dilo tsa go suga letlalo
Go sala le gaisa le la yone namune tota
Mogwe o tseleng
Gaabo ga se khumo! ga se kgomo!
Nka se di bale ka menwana
Moriri o, o tshutla o tletseng ka tlhogo
Ga o boe seboaboane mo palong
Ntekwane ke a ikaketsa nna morwaadia Goitsemang
Yaare motho a tla a re Goitsemang
Gore tsatsi la ka moso le ta thaba jaaka la jeko
Ka mo raa kare Modimo o ratile
O ratile  gore nna nyalo e ka se mphete
Le sehela nkile ka se hela
Kare Semphete wena o rategang
Mhitshwana ke waaka
Ha bantse ba shiisa tsa bone
Semphete le nna
Ntekwane moo ga se taolo
Ke keletso fela ya keletso
Mopalo wa tla ke sa o solofela
Wa mpholosa godimo jaaka nong ya go rakala godimo
Lwa o ka swa nka go ja
La nyelela jaaka mouwane o gatsololwa ke marang a letsatsi le sa ikutswe
Ya re di mphelela morutsheng
Ga thoka yo o ka nthaang a re  kapei ga se nyalo ngwanaka
Ha e ne e le yone
Bosiela jwa maitirelo re ka bo re bo utlwalela
Bo nkga jaaka kwii e tsentswe ke kgarebe dijong
Ya re ke re dithoto o di tsere ke itebetse
A thaa a re the riana ke go sebetse
A o ne o buduletse a di tsaa
A o ne wa kua a di tsaa
A o ne wa bitsa mongwe go go thusa ha a di  tsaa
Ka shebasheba
Fa a fetsa go seba seba
Ke sa bate go di akgela
Kana dilo tse dingwe phitlhela kgomo ya serotswana
Go rona jang tshetsana,kgarebe ya Motswana
Go porota legodu thoto o di mo thusitse go di tsaa
Ditshomi tsa sejatlhapi sa go ka tswa ka nko e e letsina
Nko e e ka ntshang nkonko ya re ngwana a e isa ganong
Ga thoka mokgalemi
Ya a te e re ba thalosa ba re
It is a criminal offense to be hoarding a thief,or a potential thief thereof
Especially if that thief is protected with the knowledge that
He intends, or is suspected to cause harm through charm
Ya re nne ke itheile ka re nna ga ke bao
O ka se ntire jalo
A ntshameka jaaka bolo a nthagela kwa morago
A ikitshitse lebolobolo
Mosimane wa thupa tsa maretlwa
Ya re tsebe e ile moletlo e se way one
Ya utlwa tshele e tshologa
E tshelegela
E  re ,a ga a itse  mantlwane kgarebe eo
Tsela e telele nyalo sale kgakala
Ya re ke re ke a shakgala
Ka iphitlhela ke sena boremelelo
Ka ke tlogetse tsebe go segega
Ya thoka ene moroki

No comments:

Post a Comment