Tuesday 2 April 2013

wena


wena moleta-masa-le-mekoko, wena tlhagela-legora,sekukunini setsamaa-se-bataletse,se-ora molelo le ngwedi-se ralala motse koko di lela,Se-ngwangwaela, se tlola melapo e tletse, sediga-lebele kolamolora e ngwangwaela bogodi ,wena mmolotsa-botlhogoputswa,wena morwadise ba mabele a mantsho jale le baki,wena mmina tshwene,morwesi wa tshitshwana,palamonwana ya ga mmamosadinyana,wena motsei maitibolo,w
ena mojalela kgaka mabele,mokomakomisi phuti lethodi,wena mmoni wa naledi ya masa,wena morata kgarebe e e sebilo,wa monyenyo o aname jaaka mmu wa motlhaba ko kgalagadi,wena morati wa mothei wa lelwapa,motshwara ka thaa mmu wa seloko o kgatshitswe ka metsi. O nthate,go le monate le go le bohloko o nthate.Go le thata,go le botobetobe,o nthate.Diemo tsa botshelo di sukura,diemo tsa botshelo di ikaegile, o nthate! lefatshe le nkitleile ke le lekgasa o nthate, ke thapa ka masi ke shaba ka lemepe,o nthate!

No comments:

Post a Comment